p, ul { font-family: Arial, Helvetica, sans-serif; font-size: 10pt }
.header { font-size: 12pt; font-weight: bold }
.byline { font-style: italic }
Public-Private Partnership
Puso eo e eteletsweng pele ke ANC e itemogela go tswelela e dirisana mmogo le dikhampani, baagi le bogosi ka kakaretso go tsweletsa tlhabololo le go tlhola ditiro go fedisa lehuma gonne setswana se are "sedikwa ke ntswa pedi ga se thata". E bile mabogo dinku a thebana.
Seno se tsweletswa ke baagi ba Mokgalwaneng, Maatlametlo le Disake ka tshwaragano mmogo le ba Khampani ya PPC kwa Dwaalboom. Ba ga PPC ba ntshitse madi a kana ka R48m go dira tsela. Seno ke ka ntlha ya tshwaragano mmogo le puso ya Bokone Bophirima le Mmasepala wa Moses Kotane.
Tsela e, e tla tlhola ditiro go baagi ba metse eo e umakilweng. Baagi ba tla thapiwa go ya ka Foramo ya ditiro eo e leng teng mo Ward 29.
Kwa ntle ga tsela e, go nale diporojeke tseo di leng teng tsa namolaleuba tseo di thapileng baagi. Diporojeke ke tse di latelang: (1) Congo Project (2) BMCE Project Baagi ba ba tswelatsa seo se fitlhelwang mo Freedom Charter gonne dipholisi tsa rona di ikaelela go bona batho ba tswelela mo maphelong a bona.
ANC e tshegetsa se.
M.L MATSEMELA, MP
For more information:
021 403 3107